Skip to product information
1 of 1

Xarra Books

Dinotshi by Tuelo Gabonewe

Dinotshi by Tuelo Gabonewe

Regular price R 160.00 ZAR
Regular price Sale price R 160.00 ZAR
Sale Sold out
Tax included.

SETSWANA

Dinotshi ke padi ya erotika e e kwadilweng ka Setswana, ya ntlha ya mofuta wa yona, ya puo e e tlhamaletseng ntle le go tshaba kgotsa go fitlha sepe.

Moanelwamogolo ke lekgarebe le le ka fa tlasenyana ga dingwaga di le masomeamararo. Fa o mo leba o itlhaganetse o ka nagana gore kgarebe ya rona ke motho yo o ithatelang morogo go gaisa sengwe le sengwe le gore mekgwa ya gagwe e tlhotlhelediwa ke go sa itumelang ga gagwe mo lenyalong. Mme fa o mo leba sentle o tsenelela mo semelong sa gagwe, o simolola go lemoga gore mosadi yo ke motho fela jaaka rona rotlhe, yo o itumelelang se nama le letlalo di mo kgontshang go se itumelela fa a santse a le mo botshelong. Dinotshi e na le baanelwa ba banna ba bantsi go gaisa ba basadi. Le fa go le jalo, ke kgaitsadiarona wa letheka le le tlhotlhonetseng ruri yo o di gogang kwa pele le yo o tlisang monate go gaisa mo pading.

Tshwetso ya mokwadi ya gore mosadi e nne moenelwamogolo mo pading ke maikaelelo, eseng phoso kgotsa selo se se itiragaletseng fela. Mopadi o tshela mo nakong e a lemogang gore ketapele ya basadi e botkhokwa go le gokae. Setswana ke puo e tlotlofoko ya sona e tlotlang banna mme e na le lenyatso le le rileng fa go tliwa ka fa bommeng, go tshwana le dipuo di le dintsi. Lefoko mosadi ke sekao. Go ya ka lefoko leo, mosadi ke motho yo o salang kwa lapeng fa monna a tsena mo dikgweng a ya go senka botshelo.

Go amogela le go ipela ka bowena go ya ka maikutlo a gago fa go tliwa mo mererong ya mapae go santse go tshabisa batho bangwe madi mo Aforika, selo se se ka go makatsang ka kontinente ya rona e na le batho ba le bilione le go feta ka palo, ebile palo eo e santse e gola letsatsi le letsatsi. Matshepo le makau a gagwe ba fano go leka go fetola seo.


ENGLISH

Dinotshi is an erotic novella written in Setswana, the first of its no-punches-pulled kind. The lead is female and in her late 20s. On the surface, our vixen appears to be a coitus-crazed cougar whose actions are driven purely by her marital unhappiness. Peel away the top layer and you find out that our first lady is just a girl being a human being like all of us, enjoying what little carnal pleasures there are to be enjoyed before she checks out. There’s a lot of men in this novella, as there usually is in works of fiction. It’s Miss Baddie, however, who runs the show. The decision to go with a female lead was a deliberate one. Setswana as a language is steeped, as most languages are, in patriarchy. The word for woman in Setswana is mosadi. Mosadi means remainer, or the one who stays behind. You’re welcome to draw your own conclusions as to how that word came to be. Embracing one’s sexuality is still taboo in Africa, a continent, ironically enough, with over 1 billion people and with a headcount that’s always on the rise. Our beautiful, bubbly, body count bossing babe, with the help of her similarly oversexed partners in slime, is here to shake the table.

View full details
Colourful cubes that hold books at outdoor street library in Soweto

Give a book

Buy an extra copy of your book and we'll donate it to one of our outdoor Street Libraries, or to one of our reading programmes. Just add a note to your card with the code #buyabookforachild.