Skip to product information
1 of 1

Booksite Afrika

Modisa (Setswana)

Modisa (Setswana)

Regular price R 130.00 ZAR
Regular price Sale price R 130.00 ZAR
Sale Sold out
Tax included.
  • Malusi ke modisa yo o tlhokomelang dinku le dipodi  tsa rraagwemogolo mo dithabeng tsa Transkei. Manong a fofa kwa godimo fa ditshenekegi tsona di gagaba mo fatshe, ditshoswane di a tlatlarietsa le lerole le a kupa jaaka Malusi a tshameka ntwa ya dithobane le tsala ya gagwe. Fela go na le kotsi gape… A Malusi a ka pholosa dikwana tsa gagwe go tswa go tshwene e e tshwerweng ke tlala e e setseng diruiwa morago? Gona monnamogolo yo o mo teng ga koloi e e phatsimang ke mang o o emang go tsaya dikgang le go rotloetsa modisa go tsweletsa toro ya gagwe ya go nna moporesidente pele?

    Buka e ntle eno ya ditshwantsho e ka ga mosimane yo o neng a lora ka bokamoso jo bo phatsimang. Ke kgang ya ga matlafatso, boitshepo le boetapele mme e tlhotlheleditswe ke botshelo jwa moporesidente Nelson Mandela.

    Lerato la Niki Daly la bana le tlhagiswa ka botlalo mo dibukeng tseo a ba kwalelang bona. Mo dingwageng di le 33 tse di fetileng o gapile diabo tse di farologaneng mo gae le kwa dinageng tsa kwa ntle ka ntlha ya mekwalo ya gagwe ya moopelo le ditshwantsho tse di tlhaga.

    Buka ya gagwe ya 1986, Not So Fast Songololo, e e fentseng The Katrine Harries Award mmogo le U.S Parents’ Choice Award, e betlile tsela ya dibuka tsa bana tsa mo nakong ya morago ga kgethololo. Magareng ga dibuka tse dintsi tsa gagwe, Once Upon a Time e nnile Mofenyi wa Tlotla wa US Children’s Africana Book Awards tsa 2004. Jamela’s Dress e kgethilwe ke ALA jaaka Buka ya Bana e e Gaisang, ke Booklist jaaka nngwe ya Dibuka tse di Lesome tsa Maemo a Godimo tsa Ditshwantsho tsa Maamerika tsa 200 mme gape ya fenya Children’s Literature Choice Award,  Parents’ Choice Silver Award mmogo le Peter Pan Silver Award kwa Sweden. Ka 2009 Niki o ne a abelwa Metale wa Gauta Wa Molteno ka botsayakarolo jwa gagwe mabapi le dibuka tsa Bana tsa Aforikaborwa.

    O nna le mosadi wa gagwe, mothaladitshwantsho Jude Daly, mo torotswaneng ya Kleinhond, e e gaufi le lewatle mo Aforikaborwa.


View full details
Colourful cubes that hold books at outdoor street library in Soweto

Give a book

Buy an extra copy of your book and we'll donate it to one of our outdoor Street Libraries, or to one of our reading programmes. Just add a note to your card with the code #buyabookforachild.