Molayakgosi
Molayakgosi
Motshegofatsi Brilliant Pitsane
Couldn't load pickup availability
Kgosi e e pelomaswe Gabankitse, e tsenya baagi ba motse wa Letlepung tsebetsebe.
Tota ba tlaa tshabela kae puso ya gagwe ye letsogo la tshipi mmogo le kgatelelo e e kanakana?
A mme gona mosimanyana Marang o tlaa gla le go tlhogola go okama setulo sa gagwe sa bogosi le goo busetsa morafe mo maemong a ona a pele?
Molayakgosi o emisa mmuisi ka ditsetsekwane, a lwela gore tshiamo e hupetse bosula le gore go rene kagiso boemong jwa kgatelelo.
Mokwadi Motshegofatsi Brilliant Pitsane o ne a na le dingwaga di le lesometharo fa a kwala padi eno. O tswa kwa Kuruman mo porofenseng ya Kapabokonne mme o kwala ka Setswana. Molayakgosi ke maiteko a gagwe a ntlha mo bokwalapading.
Share

Subscribe to our emails
Subscribe to our mailing list for insider news, product launches, and more.